
MOITHUTI O TLHOKAFETSE MORAGO GA GO JA MAZIMBA.
Moithuti wa mophato wa boraro wa Sekolo Se Se Potlana sa GJ Podile kwa Ramosadi, gaufi le Mahikeng o tlhokafetse morago ga go ja dijo tse di botlhoswana.
Go ya ka Lefapha la Thuto la Bokone Bophirima, moithuti o tlhokafetse ka Labotlhan 11 Moranang 2025.
Go kaiwa fa moithuti a gorogile kwa sekolong le morwarraagwe, yo e leng moithuti wa Kereiti ya 5, mme boobabedi ba ne ba ngongorega gore ga ba ikutlwe sentle.
Go ya ka dipego,baithuti ka bobedi,ba ne ba bontsha matshwao a bolwetse ka bonako fela fa ba sena go goroga kwa sekolong mme sekolo se ne sa rulaganya gore go nne le thuso ya kalafi ya potlako.
Baithuti ka bobedi ba ne ba isiwa kwa Bookelong jwa Porofense kwa Mahikeng, koo ka maswabi moithuti wa Mophato wa 3 a neng a bolelwa a tlhokafetse fa a goroga.
O mongwe wa Mophato wa 5 o sa ntse a le kwa Yuniting ya Tlhokomelo e e Kgethegileng (ICU)
Lefapha le ne la bolela gore le fa gone go ise go tlhomamisiwe gore tota ke eng se se ka tswang se bolaile moithutu o,tshedimosetso ya ntlha e e tswang mo moithuting yo o falotseng e bontsha gore bana bano ba ne ba jele mazimba!a ba neng ba a rekile kwa lebenkeleng la matswantle la mo lefelong leo.
Tona wa Thuto mo Bokonebophirima, Viola Motsumi, o ne a supa kutlobotlhoko ya gagwe ka tiragalo e.
Lefapha le rometse setlhopha sa baitseanape ba tshegetso ya loago le tlhaloganyo kwa sekolong go ya go naya baithuti, barutabana le malapa a a amilweng ke masetlapelo kgakololo ya go ba thusa go sidilega mo maikutlong.
Diplatlisiso di tsweletse pele.