Letsatsi morago ga paseka,banna ba le babedi ba thuntsitswe kwa polaseng ya motho mosweu fa ba ne ba ile go tsoma dikolobe tsa naga ka kwa motseng wa Tlakgameng gaufi le Ganyesa mono Bokone Bophirima.Ba ne ba le mo tseleng go boela lapeng morago ga go se bone dikolobe fa dintswa tsa bone di ne di thobela kwa polaseng ya motho mosweu, mme ba di latela fa ba tla thuntsiwa.Ba tlhalosa gore fa ba ne ba le kwa bookelong ba ne ba tshepisiwa go rebolelwa pipa molomo ya diranta di le dikete dile lesome mongwe le mongwe gore ba se bolelele ope ka tiragalo eo.Kgetsi ya maiteko a polao e butswe mme ga go ope yoo a tshwerweng go fitlha ga Jaana.Babelaelwa ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya magistrata ya Ganyesa kamoso(12 April 2024).Baagi ba tlhalositse fa ba tla go iponatsa ka bontsi kwa kgotlhatshekelo go netefatsa gore babelaelwa ba tshwarwa le nna kwa kgolegelong.Go ya ka dipego gona le dikgetsi di le dintsi tsa mothale ono tse di sa begiwang tse di amanang le babelaelwa mme go begwa gore ba na le tshosometso mo sepodising sa kwa kgaolong eo.