Mahikeng:
Sepodisa sa Maloba seo se dirileng ka nako ya puso se Legae ya BophuthaTswana,sene se kokwane ka matshwititshwiti lamatlhatso ale 20 April 2024 ko Rooigrond gaufi le mahikeng mono North West mo konforenseng ya bone ya ngwaga le ngwaga mme mono ngwaga bane ba tsepamisitse mo gopolo mo dituelong tsa “pension”
Bontsi jwa maloko ano bane ba buwa basa kgale Mathe ganong ka dikgwetlho tseo diba amang mongwe wa bone ke Rre Modiri Mokgotsi yo saleng ele lepodisa, go simola ka ngwaga wa 1972 go fitlha ka ngwaga wa 2000 Mokgotsi are “Ga itumelela dituelo tsa pension” tseo adi boneng, o tsweletse ka gore aka itumela thata Ga puso ya gone jaanong etla ba duela ludi Lotlhe leo le saletseng ko morago ka seo setla fetola matshelo a bone le a malapa ao a latlhegetsweng ke batsadi (CLIP OF MOGOTSI)
Moanamisa-mahoko waba “Retired police members” Sam Sesing are gago rone gore babe ba ikokwantse gotswa mo di kgaolong tseo di farologana mo nageng gotla go buwa ka dituelo tsa bone tsa pension, tseo disa duelwang ka botlalo ke puso ya democracy gane ba leboga tiro. Conference eno ene e etetswe ke mantswitswidi mogo tsa bongaka, gotla go tlhaba maloko ano a Maloba a sepodisa Botlhale mogo tsa malwetsi ao asa foleng ka gore bontsi jwa maloko ano ele bagodi ba kaetswe ka bokotsi jwa bolwetsi bo akaretsa (sukiri, cancer, dementia)
Rre George Matjila yone ele lesole mo pusong ya BophuthaTswana le ene ene ele Moeng mo conferenceng eno, one a ntsha maikutlo a gagwe le ene ka dituelo tsa ludi lwa pension leo le saletseng ko morago. Matjila are “ke mongwe wa masole ao ane a ithaopa go leboga tiro ka ngwaga wa 1996 morago Ga gore ba kupiwe go dira jaalo ke puso. Matjila o tsweletse ka gore bane ba itemogela tlhaelo mo dituelong tsa bone tseo santse ba tsweletse go e kopa mo pusong le gone jaanong o ikuetse goba “retired police members” go tshwaraganela kgetsi eno ya dituelo tsa pension ya bone mmogo (MATJILA CLIP)
